Sei sulla pagina 1di 7

DIPOTSO TSA LEBOKO

a) POTSO YA TLHALOSO YA LEBOKO


Moithuti fa go twe a tlhalose leboko go batliwa gore a dirise mafoko a gagwe
gore a bolele se mmoki a buang ka ga sone mo lebokong. Moithuti ga a
tshwanela go kopolola leboko jaaka le ntse/a dirisa mafoko a mmoki abo a re o
tlhalositse. Go botlhokwa gore o tsamae o inola gore o nonotshe Karabo ya
gago. Go fa Sekai, fa mmoki a dirisitse tshwantshanyo go tlhalose ka botlalo
gore ke eng fa mmoki a tshwantshitse sebokiwa le selo sa go nna jalo, ke gore,
gore o tshwantshitse sebokiwa le selo seo go supa eng.
SEKAI: Tlhalosa ka botlalo leboko la “Loso” o dirise dikinolo tse di lebaneng
go nonotsha Karabo ya gago.
Mo lebokong le, mmoki o bua ka bosula jwa loso. Leboko le lotlhe le
mothofaditswe go gatelela bosula jwa loso Mmoki a re loso ga lo tlhaole, lo
ama sengwe le sengwe se se tshelang. O dirisa tshwantshiso go supa fa loso ele
la ditshidi tsotlhe fa are
O ledimo la go ja ditshidi tsotlhe
A re loso ga lo tlhaole ka lo diragalela motho mongwe le mongwe go sa
kgathalesege gore o botlhokwa go le kae. A re le lo ama batsetse le bone
baitsaanape. O supa fa loso e le la batho botlhe fa a re
O gapa le ba lefatshe le ikaegileng ka bone
Mmoki a re fa loso lo tla ga go nne le morero le fa e le sesupo. Lo tla fela fa go
sa solofelwang teng. O dirisitse tepatepano go gatelela fa loso lo itlela fela fa go
sa solofelwa fa are

O tsaya o sa bonale tselakgopo,


O tsaya o sa utlwale o monyeletsa batho

O boa a gatelela gore fa loso lo diragala ga go nne le sesupo ka go dirisa


tshwantshiso fa are

O tladi ya go ratha e sa duma

Mmoki o tswelela a re loso ga lo na nako, lo diragala nako ngwe le ngwe go sa


kgathelesege gr go bosigo kana go motshegare le gone gore seemo sa bosa se
ntse jang. O dirisitse tepatepano go gatelela fa loso lo itlela nako ngwe le ngwe
fa a re

Ga o na le letsatsi le penne tota


Ga o na le diphefo di a tsubutla
Ga o na sepe le lefifi la ntshwarela-ngwana

A re loso lo tsisa kutlobotlhoko e fiteletseng. O tshwantshisa botlhoko jo motho


a bo utlwang fa a swetswe le botlhoko jwa motho a lomilwe ke noga go gatelela
fa e le botlhoko jo bo feteletseng fa a re

O mokwepa o malomo a botlhoko

A re ditsela tse loso lo diregang ka tsone ga di balege, di dintsi. A re loso loka


tla ka ntlha ya kotsi kana ka ntlha ya bolwetse. O dirisitse pheteletso go gatelela
fa loso lo tla ka ditsela tse dintsintsi tse di farologaneng fa a re

Monongwaga o ja jaaka kgogomodumo

O boa a dirisa tshotlo go gatelela fa loso lo gaketse mo Nakong tsa gompieno fa


a re

Monongwaga o metsa o sa tlhafune

b) POTSO YA MAIKUTLO A MMOKI

Mmoki o ka boka a itumetse kana a sa itumela (a utlwile botlhoko) mme gape


mmoki o ka supa maikutlo a otlhe mo lebokong. Mo potsong e, o ipotsa tse di
latelang; mmoki o ikutlwa jang? Fa ele gore wa re o itumetse, o itumeletse eng
mme fa a sa itumela ga a itumelela eng? O supa jang maikutlo ao a gagwe:

a) mmoki fa a sa itumelela sebokiwa o bua ka tse di maswe/bosula fela ka sone


mme fa a itumetse o a go bua ka bontle/botlhokwa jwa sone fela.
b) go supa Boitumelo mmoki o ka eleletsa sebokiwa sa gagwe tse
dintle/katlego/masego le matlhogonolo fa a sa itumela mmoki o eleletsa
sebokiwa sa gagwe dilo tse di maswe/tse di borai le lone loso tota.
c) go supa boitumelo mmoki o ka itsalanya le sebokiwa mme fa a sa itumela
mmoki ga a battle go ikamanya le sone.
d) setlhogo sa leboko-setlhogo se mmoki a se neelang leboko la gagwe se ka
supa gr o itumelela sebokiwa kana ga a se itumelele. Go fa sekai, mo lebokong
la tonki mmoki o file leboko setlhogo se se reng “Selelo sa Tsebeditelele”.
Setlhogo se ka bo sone fela a se supa fa mmoki a bua ka dikgang tse di seng
monate, boikuelo, go itela ga tonki. Mo lebokong la bojalwa mmoki o file
leboko setlhogo se se reng “Nno, masenya-di-agela”. Gore mmoki a bo a bitsa
nno a re masenya go supa gore ga a ye go bua ka sepe se se itumedisang ka
nno/bojalwa.
e) puo-mmoki ka bo ene o ka supa ka puo fa a sa rate sebokiwa ka jalo a sa
itumelele kana a dirisa puo e e botlha kana a kgala, a dirisa mafoko a a bogale
go supa fa a sa itumelele sebokiwa. Mo lebokong la “Bosiela” mmoki o wela ka
gore “Ke baa ke re Bosiela, tsamaya o a ntena” go supa fa a sa beye bosiela
sebete gotlhelele. Mo lebokong la “Loso” mmoki o supa fa a sa rate loso ka go
Bua mafoko a a reng, “Moganetsa botshelo tlhe o bosula”. E ntse e le go supa
maikutlo a mmoki, o ka dirisa puo/mafoko a lorato, Boitumelo/kganetso kana a
go tlotlomatsa go supa fa a itumelela sebokiwa. Go fa sekai, mo lebokong la
“Pula” mmoki o dirisa mafoko a boitumelo a tshwana “Mogolokwane, di
kganya, losalaba etc” go supa fa a itumelela pula.
f) mainaina-mmoki fa a itumetse o bitsa sebokiwa sa gagwe ka maina a
mantle/mainamafatshwa mme fa a sa itumela o bitsa sebokiwa maina a maswe/a
a sa itumediseng. Go fa sekai, mo lebokong la “Pula” mmoki o bitsa pula maina
a mantle a a e tlotlomatsang go supa fa a e rata, a e itumelela fa a re ke
“Mmoloki”, Motlhapisa sefatlhego, Motlisa boipelo, Moratwa, Senatla, kokama
ditshaba etc.
g) dikapuo-mmoki o ka dirisa dikapuo tse di farologaneng go supa fa a itumetse
kana a sa itumela. Go fa sekai mo lebokong la “Loso” mmoki o dirisitse
tshwantshiso, a tshwantshisa loso le dilo tse di borai jaaka tladi, mokwepa,
ledimo kgogomodumo go supa fa a sa rate loso ka e le selo se se sa siamang. O
boa gape a dirisa tshotlo, a sotla loso ka a sa le itumelele ka lo diragala
kgapetsakgapetsa mo metlheng ya gompieno fa a re “Ngwaga tse o metsaka o sa
tlhafune”
h) go boeletsa mafoko a le mangwe kgapetsakgapetsa-go fa sekai, mmoki o ka
bolela mafoko a le mangwe gantsintsi go supa kgalemo, kgalo kana bosula fa a
sa itumela kana a boeletsa mafoko a mantle, a kgalaletso go supa boitumelo.
Sekai: Tlhalosa ka botlalo maikutlo a mmoki mo lebokong la “Loso”

Mo lebokong la “Loso” mmoki o boka a sa itumela ka jaana a bua fela ka


bosula jwa loso. A re loso ke selo se se sa siamang ka jaana ga lo atlhole, lo
diragalela setshidi sengwe le sengwe, lo tla go sa solohelwa, le gone lo tla nako
ngwe le ngwe mme ebile lo tlisa kutlobotlhoko e e tseneletseng. O dirisitse
tepatepano go gatelela fa loso lo itlela fela go sa solohelwa fa a re
O tsaya o sa bonale tselakgopo
O tsaya o sa utlwale monyeletsa batho

Go supa fa mmoki a sa itumela o kgala loso. O lo kgalela go bo lo sa laolwe, go


sena ope yo o le laolang. O dirisitse kgokagano go supa fa loso lo sa laolesege
fa a re

“Ngwaga tse ke wena Mmusi wa lobopo


Lobopo lotlhe lo mo kgatelelong ya gago

Mmoki o bua a kgalela loso go bo le ama motho mongwe le mongwe go sa


kgathalesege seemo sa gagwe fa are

O segatlhamela masisi ga o tshabe le batsetse

Go supa fa a sa itumela mmoki o file loso maina a a seng mantle go gatelela


bosula jwa lone. O bitsa loso “sekukuni” ka jaana lo tla go sa solofelwa. O boa a
lo bitsa “moganetsa botshelo” ka jaana lo feditse go tshela ga ditshidi. Gape
mmoki a re ke “monyeletsa batho” ka lo fedisa matshelo a batho.

Go supa fa mmoki a sa itumela o dirisa puo. Mafoko a mmoki a reng


“Moganetsa-botshelo tlhe o bosula” ka bo one a a supa gore mmoki ga a rate
loso gotlhelele. O boa a dirisa mafoko a a ka amanngwang le bosula fa a bua ka
loso jaaka “o roba, o gapa, kgatelelo” e le sesupo sa gore o bua tse di maswe ka
loso.

Mmoki o dirisitse dikapuo tse di farologanyeng go supa fa a sa itumela. O


mothofaditse leboko le la loso go gatelela go sa itumelele loso ka a amanya
ditiro le tsa motho yo o bosula, yo o sa rekegeleng maikutlo a batho. Mo
godimo ga moo, tshwantshiso, a tshwantshisa loso le dilo tse di borai go supa fa
a sa lo rate. Mmoki o dirisitse tshwantshiso go supa fa loso lo tlisa
kutlobotlhoko e e feteletseng fa are

O mokwepa o o malomo a botlhoko

O boa a dirisa go gatelela fa a re loso lo tla fela go sena sesupo ka mokgwasa fa


a re

O tladi ya go ratha e sa duma


O tswelela ka go tshwantshisa le ledimo fa a re “O ledimo la go ja ditshidi
tsotlhe” ka lo sa tlhaole, lo ama setshidi sengwe le sengwe. Mmoki o tswelela a
supa fa a sa rate loso ka ale tshwantshanya le dilo borai jaaka kgogomodumo le
tlhware fa a re, “Monongwaga gone o ja jaaka kgogomodumo,” le fa a re
“Ngwaga tse o metsa jaaka tlhware ya leuba ,” go gatelela fa loso lo lo lontsi
mo Nakong ya gompieno. Gape mmoki o dirisitse tshotlo, a sotla loso ka jaana
lo diragala kgapetsakgapetsa go supa fa a sa lo rate fa a re

Monongwaga o metsaka o sa tlhafune

c) MOLAETSA WA LEBOKO

Molaetsa wa leboko ke se o se ithutileng mo lebokong. Gore o kgone go ntsha


molaetsa kana thuto mo lebokong ke gore bo o tlhalogantse se mmoki a buwang
ka sone mo lebokong ka jaana thuto e tshwanetse go akaretsa dilo tsotlhe tse
mmoki a di buileng. Fela jaaka mo padding molaetsa o nna mongwe fela. O
tshwanetse go ntsha molaetsa morago bo o netefatsa/o o paka ka tse mmoki a di
buileng o etla o inola go nonotsha Karabo ya gago.

Sekai: Tlhalosa ka botlalo se o se ithutileng mo lebokong la “Loso” o dirise


dikinolo tse di lebaneng go nonotsha Karabo ya gago.

Mo lebokong la “Loso” ke ithutile gore loso ke selo se se bosula. Leboko le


lotlhe le mothofaditswe. Mmoki o supa bosula jwa loso fa a re loso ga lo
tlhaole, lo ama sengwe le sengwe se se tshelang. O dirisitse tshwantshiso go
supa fa loso e le la ditshidi tsotlhe fa a re

O ledimo la go ja ditshidi tsotlhe

A re loso ke selo se se sa siamang ka jaana lo diragalela motho mongwe le


mongwe go sa kgathalesege gore o botlhokwa go le kafe. A re lo ama batsetse le
bone baitsaanape. O supa fa loso e le lwa batho botlhe fa a re

O gapa le ba lefatshe le ikaegileng ka bone

Mmoki o tswelela a supa fa loso lo le bosula fa a re fa lo tla ga go nne le morero


le fa e le sesupo. Lo tla fela fa go sa solofelwang teng. O dirisa tepatepano go
gatelela fa loso lo itlela fela go sa solofelwa fa a re
O tsaya o sa bonale tselakgopo,
O tsaya a sa utlwale monyeletsa batho

O bua a gatelela gore fa loso lo diragala ga go nne le sepe sesupo ka go dirisa


tshwantshiso fa a re

O tladi ya go ratha e sa duma

Mmoki o tswelela a re loso ga la siama ka jaaka ga lo na nako, lo diragala nako


ngwe le ngwe go sa kgathalesege gore go bosigo kana go motshegare le gone
gore seemo sa bosa ke se se ntseng jang. O dirisitse tepatepano go gatelela fa
loso lo itlela nako ngwe le ngwe fa a re

Ga o na le letsatsi le penne tota


Ga o na le diphefo di a tsubutla
Ga o na sepe le lefifi la ntshwarela-ngwana

A re loso lo tlisa kutlobotlhoko e e feteletseng ka e le selo se se sa siamang. O


tshwantshisa botlhoko jo motho a bo utlwang fa a swetswe le botlhoko jwa
motho a lomilwe ke noga ya mokwepa go gatelela fa e le botlhokotlhoko fa a re

O mokwepa o o malomo a a botlhoko

Mmoki a re loso lo botlhoko ka jaana ga lo na matshabelo, ga go na sepe se o ka


se dirang go le thibela. O supa fa lo sena matilelo fa a re

O roba le magotlha a go itshwarelela

O gatelela bosula jwa loso ka go bua gore ga lo laolesege, ga gona ope yo o le


laolang. O dirisitse kgokagano go gatelela fa loso go sena ope yo o le laolang fa
a re,

Ngwaga tse ke wena Mmusi wa lebopo


Lobopo lotlhe le mo kgatelelong ya gago

O tswelela a supa bosula jwa loso ka go bolela gore lo diragala


kgapetsakgapetsa malatsi a gompieno. O dirisitse tshwantshanyo go gatelela fa
dintsho di le kwa godimo mo nakong tsa gompieno fa a re

Monongwaga gone o ja jaaka kgogomodumo

Potrebbero piacerti anche