Sei sulla pagina 1di 18

1

MOTSWASELE II

Kgwetlho, kgotlhang, setlhoa le mafologelo

Kgwetlho- Ke go reetse dikgakololo tsa bobaba tsa ga Molotlhanyi (Tsa gore Moruakgomo o batla go mo
tseela bogosi) ga ga Motswasele.

Ke kgwetlho ka gore ke yone tiragalo e e tsetseng kgotlhang fa gare ga ga Motswasele le tikologo e a


nnang mo go yone.

Kgotlhang e fa gare ga ga Motswasele le tikologo ka o dira ditiro tse di sa amogelesegeng mo tikologong


e a nnang mo go yone.

Kgotlhange SimololaMotswasele a dira tiro e e sa amogelesegeng a tsaya dikgakololo tsa bobaba.

o O reetsa dikgakololo tsa ga Diratsagae le Leapeetswe fa ba re a buse Bakwena ka kgokgontsho.

o O itetlelela go go tlhotlhelediwa ke Molotlhanyi le Diratsagae fa ba re a bolae bana ba ga


Ramodi.

Go tsaya dikgakolo tse, ke kgotlhang ka Motswasele e le kgosi a tshwanetse go tsaya dikgakololo tse di
aging Bakwena.

Kgotlhang ya ga Motswasele le tikologo e tswelela Motswasele a dira e nngwe e e sa amogelesegeng a


gana dikgakololo tsa bangwe ba bogosi.

o O gana kgakololo ya ga Sejo ya gore a se ka a bolaya bana ga Ramodi e bile o ntsha taolo ya gore
ba bolawe.

o O gana kgakololo ya ga Moruakgomo ya gore a buse Bakwena sentle.

o O gana kopo ya lekoko la ga Moruakgomo ya gore a busetse Bakwanga ditsabone mme ntwa e
boelwe morago.

Go gana dikgakololo tse go papamatsa kgotlhang ya gagwe le tikologo ka e le kgosi a tshwanetse go itse
gore kgosi ke kgosi ka batho.

Kgotlhang e tswelela Motswasele a dira tiro e nngwe e e sa amogelesegeng a bolaya batho.


2

o O laola polao ya bana ba ga Ramodi ba ba iphetlhetsweng ba se na molato mme ba ketekwa ka


dithobane ba lelekwa mo motseng.

o O laola polao e e setlhogo ya ga Mogatsa Moilwe yo o bolaetsweng dikgomo tsa gagwe ntswa a
se na molato ope le kgosi.

o O laola polao e nngwe ya ga Maleke yo o bolailweng ka ntsa e mo kgaola tlhogo ntswa a se na


molato ope le kgosi.

Dipolao tse di papamatsa kgotlhang ya ga Motswasele le tikologo ka jaana polao e le selo se se sa


siamang ka bosone

E re e kete ga go a lekana, kgotlha e papamala le go feta jaanong Motswasele a gagametse ka go sotla


Bakwena a ba pateletsa melato e ba sa e dirang.

o O loga segwe le boMolotlhanyi gore ba iphetlhele Moruakgomo mme a kgwathisiwe fa a ka


ipuelela mme ka nnete Morukgomo a kgwathisiwa Sejo ene a falola.

o O iphetlhela Maleke a re o batla go mo tlhoboganya le Bakwena mme Maleke ene o bolawa


polao e e setlhogo ya go kgaolwa tlhogo ke ntsa ya ga Diratsagae e alafilwe ke ngaka.

Dipateletso tse, di kuketsa kgotlhang e ka Motswasele e le kgosi a tshwanetse go dibela Bakwena.;;;;;;

Kgotlhang e tswelela janong Motswasele a roba maduo a a botlhoko, masetlapelo a go rukutlha tikologo
e a nnang mo go yone.

Kgotlhang e papamala jaanong Motswasele a amogela maduo a go rukutlha Bakwena jaanong morafe
wa Bakwena o mo tsogologelwa kgatlhanong.

o Moruakgomo, Maleke le Segokotlo ba simolola go ngongorega that aka puso ya ga Motswasele.

o Barongwa ba ga Motswasele le bone ba gana go dira thomo ya gagwe e bile se se botlhoko ba


bolelela Moruakgomo gore gatwe ba mmolae.

Se ke kgotlhang ka jaana Motswasele o latlhegetswe ke seriti le tlotlo mo morafeng o a o eteletseng


pele.

Kgotlhang e e tswelela e kukela fa a bona manokonoko a mangwe, mephato ya gagwe ya ntwa e


fenngwa bonolonolo.
3

o Mephato ya ga Leapeetswe le Diratsagae e fenngwa bonolo e bile Diratsagae yo o tswang


kgakala a eme le ene o a bolawa.

o Se se botlhokotlhoko ke gore Molotlhanyi o phuaganya lekoko la ga Motswasele a siela kwa go


la ga Moruakgomo e bile a sia ka dipalo tsa batlhabani a tlogela lekoko la ga Motswasele mo legoeleleng
ka nako e le neng le tlhoka dipalo tsa batho.

Tatlhegelo e ya mephato, e papatsa kgotlhang ya ga Motswasele le tikologo ka jaanong a setse mo setse


mo sebakatsatsing.

Kgotlhang e tswelela jaanong Motswasele a tshwanetse go itlhabanela kgatlhanong le Moruakgomo yo a


ipoletseng gore o a mmoifa, se le sone se nonotsha kgotlhang ya ga Motswasele le tikologo

Ditiragalo tse di senolang kgotlhang tse di re isa kwa setlhoeng fa Motswasele a bolawa ke Moruakgomo
ka segai. Ke setlhoa ka gore ke gone fa dipotso tse re tlang re di ipotsa di arabegang teng. Kgotlhang ya
ga Motswasele le tikologo e felela gone fa.

Motshameko o, o felela fa setlhoeng, ga go na ditiragalo dipe tse di tlang morago ga setlhoa ka jalo
motshameko o ga o na mafologelo. Bokhutlo jwa motshameko o ke gone fa setlhoeng.

DITIRO TSA GA MOTSWASELE DI TSAMAELANA JANG LE PAKA LE LEFELO?

Ditiro tsa ga Motswasele di tsamaelana le paka le lefelo tse a beilweng mo go tsone.

Paka ke ya setso, lefelo le legae la Setswana

Mo setsong e bile e le motse selegae, itsholelo e ikaegile ka leruo.

Khumo le katlego e motho a nang le yone e kalwa ka palo ya leruo le a nang le long

Se se tsamalana/ ga go thona gore Motswasele a gapelwe Bakwena dikgomo


4

• O gapile dikgomo tsa Bakwena ba le bantsi ba sa buiwang ka maina.

• O gapile dikgomo tsa bana ba ga Ramodi.

• O gapile dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe yo e bile a bolailweng ke barongwa ka segai.

Motswasele fa a gapa dikgomo tse jaana ga a itire, o mo kgatelelong ya gore mo setsong e bile e le
legae, itsholelo e metwa/ kalwa ka palo ya dikgomo tse a nang le tsone.

Mo setsong, bogosi bo a tsalelwa.

Fa kgosi a tlhokafala, ngwana wa gagwe wa mosimane ke ene a mo tlhatlhamong.

Se se tsamaelana le gore e re mo khularong ya ga Legwale, Motswasele a nne kgosi ya Bakwena.

• O busa Bakwena ka phuthologo a itse fa bogosi bo mo lebane.

• O kgadimola botlhe ba a belaelang ba sunya dinko tsa bone mo bogosing jwa gagwe. O ne a
kgadimola Sejo thata a leka go mo gakolola.

Puso e ya ga Motswasele o e dira a tiile moko e bile a sa tshwenngwe ke sepe ka a itse gore setso se fa
morago ga gagwe e le morwa Legwale ka bogosi bo tsalelwa.

Mo setsong, go dumelwa thata mo bongakeng jwa setso.

Kgosi e na le ngaka ya yone e e inonotshanang ka yone kgatlhanong le baba ba yone

Go matshwanedi go bona

o Motswasele o dumalana le ngaka gore e bolae Maleke.

o O laela ngaka gore e alafe ntsa ya Diratsagae e tle e bolae Maleke mme ka nnete ya felela e
mmolaile.

Motswasele fa a dirisa bongaka jaana ga a itire, o tlhotlhelediwa ke setso se mo go sone tiriso ya


bongaka e leng yone konokono.

Mo setsong lefoko la kgosi le agelwa mosako.

Kgosi fa e ntsha taelo ga e ganediwe, taelo eo e diragadiwa ntle le kganetso epe.

Ga go makatse go bona
5

o Motswasele o ntsha taelo ya gore Moruakgomo a kgwathisiwe.

o O ntsha taolo ya gore bana ba ga Ramodi ba bolawe.

o O ntsha taolo ya gore Maleke le mogatsa Moilwe ba bolawe.

Ditaelo tse tsa ga Motswasele o di ntsha a phuthulogile, go sa kgathalesege gore di bosula go le kae, o di
ntsha ka bomo a sa tshabe sepe a itse gore setso se mo eme nokeng ka gore mo go sone lefoko la kgosi
le agelwa mosako.

Mo setsong le legae, dikgang tsa motse dikgang di buelwa kwa kgotleng.

Kwa kgotleng ke gone kwa diphaphang di rarabololelwang teng.

Ga go thona go bona

Motswasele a re Moruakgomo a bilediwe kwa kgotleng go tla go botsakwa dipotso

Motswasele o dira jaana a ikaegile ka setso le selegae se mo go sone dikgang di buelwang kwa kgotleng.

Mo setsong, ditswanelo tsa bomme di a gatakiwa.

Bomme ga ba tsewe e le sepe, maikutlo a bone ga a rekegelwe.

Ga go thona/ se se tsamaelana le gore Motswasele a…

o O tseela batho basadi, basadi ba o ba gapa jjana mme ka nako e a sa tlholeng a ba batla o a ba
iphetlhela, a ba tlhale a ba busetsa kwa gabone.

o O tseela mogatsa Moilwe dikgomo ntle le molato ope, di gapiwa ntle le go theriso epe, e bile fa
a gana ka tsone o a bolawa.

Motswasele fa a dira bomme jaana, ga a itire, o dirwa ke gore mo setsong ditshwanelo tsa bomme di a
gatakiwa.

DITIRO TSA BATSHAMEKI DI TSAMAELANA JANG LE PAKA LE LEFELO?

Ditiro tsa batshameki di tsamaelana le paka le lefelo tse a beilweng mo go tsone.

Paka ke ya setso, lefelo le legae la Setswana


6

Mo setsong e bile e le motse selegae, itsholelo e ikaegile ka leruo.

Khumo le katlego e motho a nang le yone e kalwa ka palo ya leruo le a nang le long

Se se tsamalana/ ga go thona gore…

• Motswasele a gapele Bakwena dikgomo, o gapetse ba le bantsi ba sa buiwang ka maina.

• O gapile dikgomo tsa bana ba ga Ramodi le tsa ga mogatsa Moilwe yo o bolailweng ke barongwa
ka segai.

• Se se tsamaelana le gore mogatsa Moilwe a gane ka dikgomo tsa gagwe le fa a solofediwa go


bolawa.

Batshameki ba fa ba lwela dikgomo jaana ga ba itire, o mo kgatelelong ya gore mo setsong e bile e le


legae, itsholelo e metwa ka palo ya dikgomo tse a nang le tsone.

Mo setsong, bogosi bo a tsalelwa.

Fa kgosi a tlhokafala, ngwana wa gagwe wa mosimane ke ene a mo tlhatlhamong.

Se se tsamaelana le gore e re mo khularong ya ga Legwale, Motswasele a nne kgosi ya Bakwena.

• O busa Bakwena ka phuthologo a itse fa bogosi bo mo lebane.

• O kgadimola botlhe ba a belaelang ba sunya dinko tsa bone mo bogosing jwa gagwe. O ne a
kgadimola Sejo thata a leka go mo gakolola.

Puso e ya ga Motswasele o e dira a tiile moko e bile a sa tshwenngwe ke sepe ka a itse gore setso se fa
morago ga gagwe e le morwa Legwale ka bogosi bo tsalelwa.

Mo setsong go dumelwa thata mo botlhoding.

Go dumelwa gore fa sengwe se se sa tlwaelesegang se diragala, se a tlhola, ke sekai sa gore sengwe se


se maswe se tla diragala

o Se se tsamaelana legore e re Senese a ultwa morubisi o lela bosigo, le dinku di lelela dikonyana,
a tshwenyega a bone e ele selo se a ka tsamayang a botsa ka sone.

Go dumela mo botlhoding ga ga Senese ga a tlhole, o tsamaelana le setso se mo go sone go dumelwang


mo botlhoding.
7

Mo setsong, go dumelwa thata mo bongakeng jwa setso.

Kgosi e na le ngaka ya yone e e inonotshanang ka yone kgatlhanong le baba ba yone

Go matshwanedi go bona

o Motswasele o dumalana le ngaka gore e bolae Maleke.

o O laela ngaka gore e alafe ntsa ya Diratsagae e tle e bolae Maleke mme ka nnete ya felela e
mmolaile.

Motswasele fa a dirisa bongaka jaana ga a itire, o tlhotlhelediwa ke setso se mo go sone tiriso ya


bongaka e leng yone konokono.

Mo setsong lefoko la kgosi le agelwa mosako.

Kgosi fa e ntsha taelo ga e ganediwe, taelo eo e diragadiwa ntle le kganetso epe.

Ga go makatse go bona

o Morafe wa ga Motswasele o o diragatsa taelo ya gore Moruakgomo a kgwathisiwe.

o Batlhanka ba diragatsa taolo ya gore bana ba ga Ramodi ba bolawe.

o Barongwa ba diragatsa taolo ya gore mogatsa Moilwe ba bolawe ntswa ba itse a se na molato.

Ditaelo tse tsa ga Motswasele di obamelwa fela go sa kgathalesege gore di bosula go le kae, ba
patelediwa ke setso se mo go sone lefoko la kgosi le agelwang mosako.

Mo setsong le legae, dikgang tsa motse dikgang di buelwa kwa kgotleng.

Kwa kgotleng ke gone kwa diphaphang di rarabololelwang teng.

Ga go thona go bona

Motswasele a re Moruakgomo a bilediwe kwa kgotleng go tla go botsakwa dipotso

Motswasele o dira jaana a ikaegile ka setso le selegae se mo go sone dikgang di buelwang kwa kgotleng.

Mo setsong monna wa motia o bonwa ka go lwela bagaabo

Ga go gakgamatse go bona Moruakgomo a lwa ka sengwe le sengwe go tlhabanela Bakwena


8

o O phutha mephato ya ntwa a bo a e etelela pele

o Kwa ntweng le gone o goga mephato kwa pele ka botswerere a gakolola le go fa mafoko a
kgothatso

Moruakgomo fa a dira jaana ga a itire o lwa le go go kgotsofatsa setso se a itseng gore ka sone, go sa
lwela morafe go supa go palelwa fa o le monna.

Mo setsong, ditswanelo tsa bomme di a gatakiwa.

Bomme ga ba tsewe e le sepe, maikutlo a bone ga a rekegelwe.

Ga go thona/ se se tsamaelana le gore Motswasele a…

o O tseela batho basadi, basadi ba o ba gapa jjana mme ka nako e a sa tlholeng a ba batla o a ba
iphetlhela, a ba tlhale a ba busetsa kwa gabone.

o O tseela mogatsa Moilwe dikgomo ntle le molato ope, di gapiwa ntle le go theriso epe, e bile fa
a gana ka tsone o a bolawa.

Motswasele fa a dira bomme jaana, ga a itire, o dirwa ke gore mo setsong ditshwanelo tsa bomme di a
gatakiwa.

IPEE MO SEEMONG SA GA MOTSWASELE O BUE SE A NENG A KA SE BUA FA A LEBAGANE LE


MORUAKGOMO KWA NTWENG.

Ke nna Motswasele…

o Morafe o ne wa ntsogologelwa kgatlhanong, boSegokotlo le Moruakgomo ba ne ba etelela


balwela- kgololesego.

o Mephato ya me ya ntwa e fentswe ke ya ga Moruakgomo.

o Ke tlamega go lwa le Moruakgomo yo ke mo tshabang lebaibai.

Seemo se se botlhoko se, ke se ipaketse jalo ke a ikotlhaya.

Ke ne ke le setlhogo
9

Ke le setlhogo ke sa rekegele maikutlo a batho le fa ke ba utlwisa botlhoko

o Ke laotse polao ya lesidi ya bana ba ga Ramodi ba ba tswang go thugakwa ke batlhanka ka


dithobane ba ba ba lelekwa mo motseng.

o Ka laola polao e e setlhogo ya ga Maleke, motho wa Modimo a kgaolwa tlhogo ke ntsa a robetse
mme a se na molato ope o ke ka o supang.

o Ke gapile dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe ke sa re o itshetsa ka tsone mme e bile ka laola gore a
bolawe fa a gana ka tsone.

Bosetlhogo jo, ke jone bo ntlisitseng mo kutlobotlhokong e ke leng mo go yone e.

Ke ne gape ke le sematla

Ke le sematla ke sa kgone go ikakanyetsa mo dikgatong tse ke di tsayang, ke sa lebelele ditlamorago.

o Ke ne ke pholetha fa morago ga ga Molotlhanyi, Leapeetswe le Diratsagae fa ba re ke buse


Bakwena ka tshaka.

o Ke ne ka dumela go bolaya Maleke ke palelwa ke go lemoga botlhokwa jwa gagwe mo pusong ya


me e le mogolo.

o Ke paletswe ke go lemoga gore go bolaya mogatsa Moilwe go ka nna le ditlamorago bogolo jang
ka e le mongwe wa bogosi.

Bomatla jo, ke jone bo ntlisitseng fa ke leng teng fa.

Ke ne gape ke le tlhogoethata

Ke ne ke sa reetse dikgakololo tse ke neng ke di fiwa ke bangwe ba bogosi

o Ke robetse matlhokwa mo ditsebeng fa Sejo a nkgakolola gore ke se ka ka bolaya bana ba ga


Ramodi mme ka laola gore ba bolawe.

o Ke paletswe ke go tsaya kgakololo ya ga Moruakgomo fa a nkgakolola kgatlhanong le go


kgokgontsha Bakwena.

o Ke ne ka itira thuntsebe fa Segokotlo a re ke busetse Bakwena ditsabone mme re boele ntwa


morago.

Botlhogoethata jo bo ntlisitse mo kutlobotlhokong e.


10

Ke ne ke le lonyatso

Ke lebela batho kwa tlase e bile ke sa ba bone ka sepe

Ka kgadimola Sejo a re ke se ke ka bolaya Bakwena.

Ke ne ke le boikgogomoso

O se tshephe motho

o Molotlhanyi yo o tswang kgakala a nkgakolola o phuagantse mephato ya me o ile kwa


mephatong ya ga Moruakgomo

o Ke ene motho yo o mpoleletseng gore Moruakgomo o batla go ntwantsha.

o O ne a dirile gore ke tshephe gore o tla nkema nokeng go fitlhelela kwa bofelong.

Maitemogelo a mangwe

o Kgosi ke kgosi ka batho

o Bodiba jo be jeleng ngwana wa ga mmago o bo dikologe

o Tshwene e a re go bona pilo e sie.

o Dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.


11

SEABE SA GA MOTSWASELE MO KGOLONG YA DITIRAGALO

Motswasele o botlhokwa thata mo kgolong ya ditiragalo.

Ditiragalo di diragetse ka ntlha ya gagwe, fa e ne e se ka ene, ditiragalo di ka bo di sa tsaya phekelo e di e


tsereng.

Gore bana ba Ramodi ba betswe ke fa go gatang Motswasele teng

o O dumetse mafoko a ga Molotlhanyi a gore bana ba ga Ramodi ba kgatlhanong le puso ya gagwe


ntle le go tlhotlhomisa seo

o O laetse batlhanka ba gagwe go ya go bolaya bana ba ga Ramodi.

o Ka nnete boDiratsagae ba ne ba latela bana ba ga Ramodi go le bosigo ba ba keteka le go ba


koba mo motseng.

Go betswa mo ga bana ba ga Ramodi go tlisitswe ke Motswasele.

Fa e ne e se ka ene, bana ba ga Ramodi ba ka bo ba sa betswa le go lelekwa mo motseng.


12

Leso la ga mogatsa Moilwe re le batlela mo magetleng a ga Motswasele.

o laetse barongwa gore ba ye go gapa dikgomo tsa ga Mma Moilwe.

o ne a laetse gape gore fa a gana ka tsone a bolawe.

o Ka nnete barongwa ba ne ba latela mogatsa Moilwe go ya go gapa dikgomo mme a feta a gana
ka tsone ka jalo ba mmolaya.

Ka tsela e e ntseng jalo, leso la ga magatsa Moilwe, le tlisitswe ke Motswasele ka go mo gapela dikgomo

Fa e ne e se ka ene, Mma Moilwe o ka bo a sa bolawa.

Gore barongwa ba tlhanogele Motswasele ke fa go gatang ene teng

• O ne a ba roma go dira ditiro tse di sa nnang sentle

• O ba romile go bolaya mogatsa Moilwe yo o tlhabilweng ka segai mme a gatagatiwa ke dikgomo.

• O ba romile go ya go bolaya Moruakgomo mme a bolawa a se na molato.

• Selo se, se ne sa tena barongwa mo ba feletseng ba gana go ya go bolaya Moruakgomo mme ba


mo tlhanogela ba fudugela kwa lekokong la ga Moruakgomo.

Gore barongwa ba mo tlhanogele ke ene a go ipaketseng, fa e ne e se ka ene, o ka bo a sa tlhanogelwa.

Leso la Maleke re le batlela mo magetleng a ga Motswasele

o O ne a dumela gore Maleke o na le botlhabetsi mo pusong ya gagwe.

o Ke ene a rulagantseng le ngaka le Diratsagae gore e alafe ntsa mme e re maitseboa e ye go


bolaya Maleke.

o Ka nnete Diratsagae o ne a tsamaya le ntsa ka thomo ya ga Motswasele mme ya feta ya bolaya


Maleke.

Ka se, Motswasele ke ene morwalatlhogo mo losong lwa ga Maleke, ke ene a le bakileng.

Ga go na jaaka re ka kgaoganya Motswasele le go kgaogana gabedi ga morafe wa Bakwena.

o O rukutlhile Bakwena a ba gapela basadi

o Ke ene yo o neng a gapela Bakwena dikgomo jaaka a gapile tsa ga mogatsa Moilwe
13

o Ke ene a kgokgontshitseng Bakwena a ba bolaya ba se na molato jaaka a bolaile mogatsa


Moilwe le Maleke.

o Dikgokgontsho tse, di ne tsa kgopisa Moruakgomo le Segokotlo mo ba feletseng ba tlhama


mophato wa balwelakgololesego ka jalo morafe wa kgaogana gabedi.

Ka jalo Motswasele o nnile le seabe se segolo mo go reng morafe wa gagwe o bo o kgaogane gabedi.

Go mo maruding a ga Motswasele gore go bo go nnile le ntwa.

o O ganne kopo ya lekoko la ga Moruakgomo ya gore a busetse Bakwena ditsabone mme ntwa e
boelwe morago.

o O ne a buisantse le boDiratsagae gore ba ikgantshetse Segokotlo le Moruakgomo ba se ka ba


reetsa kopo ya bone.

o Maikgantsho a, a ne a kgopisa Moruakgomo le Segokotlo mo ba neng ba lemoga gore ntwa e


bolotse, ke gone fa Moruakgomo a neng a aba mephato teng.

Ntwa e ya Bakwena, ga re ka ke ra e kgaoganya le Motswasele, o e bakile.

Fa e ne e se ka ene go gana go reetsa kopo e, ntwa e ka bo e boetswe morago.

Re pega leso la ga Motswasele mo magetleng a gagwe

o O le tlhotlholeditse ka go busa Bakwena ka kgokgontsho le go gana go reetsa kopo ya gore ntwa


e boelwe morago

o O bolaile Bakwena jaaka mogatasa Moilwe le Maleke

o E kete ga go a lekana o ganne go reetsa Moruakgomo fa a kopa gore ntwa e boelwe morago.

Selo se, se ne sa tena Moruakgomo mo e rileng a lwa a bo a tiisitse a itse gore o lwa le motho yo o sa
bolong go kgobotletsa Bakwena ka jalo a mmolaya.

Ka jalo Motswasele e seng ope gape, ke ene a bakileng loso lwa gagwe.

SEABE SA GA MORUAKGOMO

• O bakile gore Bakwena ba mo rate.


14

• O bakile gore Bakwena ba ikemele ka dinao ba lwele kgololesego ya bone.

• Re pega go tllhoiwa ke Motswasele ga gagwe mo magetleng a gagwe

• O bakile loso lwa ga Motswasele.

PHETOGO YA BOTHO

Mokwadi ga a a kgona go supa phetogo ya ga Motswasele, o mo supile ka botho jo bo sa siamang go


tswa kwa tshimologong go ya kwa bofelong.

Ga a a kgona go supa kgolo ka ga a mo supa a tswa mo bothong jo bo sa siamang a ya kwa go jo bo


siameng.

Ga a a kgona go supa kwelotlase ka ga a a mo supa a tswa mo bothong jo siameng a ya kwa go jo bo sa


siamang.

O supile itharabologelo ka o mo supile a itemoga diphoso.

Mokwadi o simolotse a mo supa ka botho jo bo sa siamang a le sematla.

O sematla ka o gogwa ka tsebe a sa ikakanyetse, ga a lebelele ditlamorago tsa se a se dirang.

o O gogwa ke Molotlhanyi a re a buse Bakwena ka tshaka.

o O pholetha fela fa morago ga dikgakololo tsa gore a bolae bana ba ga Ramodi a sa ikakanyetse
gore maduo a teng e ka nna eng.

o Ga a kgone go lemoga gore polao ya mogatsa Moilwe e ka mmakela ditlamorago tse di bosula ka
e le mongwe wa bogosi.

Ka ditiro tse, mokwadi o mo agile e le sematla.

Mokwadi o tswelela a mo supa ka botho jo bo sa siamang, a sa fetole botho, a le setlhogo.

O setlhogo ka o utlwisa batho botlhoko a sa rekegele maikutlo a bone.

o O laola polao e e setlhogo ya ga mogatsa Moilwe yo o bolaetsweng lesidi le gone a kgemethwa


ka segai a bo a tseelwa dikgomo.
15

o Ga a sisimoge go laola polao ya ga Maleke a se na molato le gone a kgaolwa tlhogo ke ntša a


robetse.

o Ga a tlhomolwe pelo ke bana ba ga Ramodi ba a laolang polao ya bone ba se na molato.

Ka setho se, mokwadi o mo supile ka botho jo bo sa siamang e bile a sa bo fetolele kwa go jo bo


siameng.

Mokwadi o ntse o mo supa ka botho jo bo sa siameng, a sa mo fetole botho, a le maikgantsho.

O lebela batho kwa tlase a ipona e le ene fela.

• O kgadimola Sejo fa a re o leka go mo gakolola.

• O garaswanya Bakwena, a ba ipokela a ba bolelela fa e le batho ba gagwe.

• Le kwa ntweng o ikgantshetsa Bakai, o mmitsa mothonyana. O kgadimola Modise ka mafoko a a


bogale, o mmitsa tshwenyana.

Ka setho se, mokwadi o mo supile ka botho jo bo sa siamang e bile a sa bo fetolele kwa go jo bo siameng

Mokwadi o tswelela a mo supa ka botho jo bo sa siamang a le tlhogoethata.

O tlhogoethata ka ga a reetse dikgakololo le fa a gakololwa ke bagakolodi ba gagwe.

o Ga a tseye tsia kgakololo ya mogolo e bong Sejo ya gore a se ka kgatlhiwa ke go bolaya batho.

o Le barongwa fa ba ngongorega ka go bolaya batho ga a tlhanyege, o ngakaletse fela ka keletso


ya go bolaya Moruakgomo

o O ngakaletse fela le fa a kopiwa ke Segokotlo gore a busetse Bakwena ditsabone mme ntwa e
boelwe morago.

Ka setho se, mokwadi o ntse o mo supa ka botho jo bo sa siamang

Mokwadi o tswelela a sa mo fetole botho, o tswelela a mo supa ka botho jo bo sa siamang a le


pelotshetlha.

Ga a kgotsofalele tse a nang natso, o eletsa dilo tsa batho.

• Ga a bewe pelo ke dikgomo tse dintsintsi tse a di gapetseng Bakwena.


16

• O ntshiwa pelo ke dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe mme o felela a di gapile ka go mmolaya a
rometse barongwa ba gagwe.

• O gapela batho basadi a bo a ba tlhala ka nako e a e batlang.

Ka setho se, mokwadi o ntse o mo supa ka botho jo bo sa siamang.

E re motshameko o tsweletse, mokwadi o supa Motswasele a raletse dikgwetlho, a amogela manokono


a botho jo bo sa siamang ka jaana mephato ya gagwe e fentswe.

Mokwadi o supa itharabologelo mo go Motswasele, o itemoga gore ke ene a ikgantshitseng bogosi jwa
Mokwena.

Le fa go ntse jalo, mokwadi ga a supe phetogo mo bothong jwa ga Motswasele

O ntse o mo supa ka botho jo bo sa siamang a le setalala, o setatalala ka ga a kgone go go dumela go re


o fentswe, o ntse o tswelela ka go dumela gore o ka itwela.

Motswasele o felela a lwa le Moruakgomo a bo a bolawa ke Moruakgomo ka segai.

Mokwadi o supa a itharabologelwa gape a re “Ke baa ke gopola mafoko a ga Sejo a Monametsi”.

Ka bokhutshwane, mokwadi ga a a kgona go supa phetogo ya botho jwa ga Motswasele, o mo supile ka


botho jo bo sa siamang go tswa kwa tshimologong go ya kwa bofelong.

Ga a a kgona go supa kgolo ka ga a mo supa a tswa mo bothong jo bo sa siamang a ya kwa go jo bo


siameng.

Ga a a kgona go supa kwelotlase ka ga a a mo supa a tswa mo bothong jo siameng a ya kwa go jo bo sa


siamang.

O supile itharabologelo ka o mo supile a itemoga diphoso.

Phetogo ya botho jwa ga Moruakgomo

Mokwadi ga a supa phetogo


17

O supilwe ka botho jo bo siameng go tswa kwa tshimologong go ya kwa bofelong.

Ga a na kgolo, kwelotlase le

O supile itharabologelo (Morago ga go kgwathisiwa o lemoga fa a tshwanetse itlhabanela a ba a bolelela


Meleke gore a mo dirise jaaka a rata)

Mokwadi o mo supile ka botho jo bo siameng a le lorato

• O ratela Bakwena tse di molemo

• O utlwisiwa botlhoko ke kgang ya gore gatwe bana ba ga Ramodi ba bolawe.

Mokwadi o mo supa ka botho jo bo siameng a le kutlwelobotlhoko

O kutlwelobotlhoko ka o kgona go tlhomoga pelo

• O utlwisiwa botlhoko ke kgang ya gore bana ba ga Ramodi ba ya go bolawa.

• O tlhomolwa pelo ke go gapiwa ga dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe

Senatla

O kgona go dira ka botswerere a sa itsape.

• O phutha batho gore ba dumele se a se buang ka kgololesego ya bakwena a sa itsape.

• Ga a itsapisiwe ka bongangatle jwa ga Motswasele, o dira tsotlhe tse a ka di kgonang jaaka go


mo romelela Segokotlo gore a bue le ene ka go boela ntwa morago

Mokwadi o mo supa ka botho jo bo siameng a le botlhale

O na le tlhaloganyo ya go akanyetsa se a se dirang

• O etelela mophato wa balwela kgololesego ka botswerere.

• O tswa ka dikgakololo tse di agang mephato ya gagwe, sekai o ne a tswa ka mogopolo ya gore
mephato ya gagwe e dike mophato wa ga Motswasele o o neng o setse.

• O ipha nako a sa potlakele go ya go lwantsha mephato ya ga Motswasele a ise a ithulaganye.


18

Mokwadi o mo supa ka botho jo bo siameng a le boikanyego

O boikanyego ka o a tshephega

• O gana go tsaya bogosi ka a itse e se jwa gagwe.

• Ga a dumalane le gore batho ba tseelwe ditsabone (basadi le dikgomo)

• Fa a roma Segokotlo kwa go Motswasele, o supa tota gore ene ga a mo ntweng, o batla kagiso

Potrebbero piacerti anche